2 Corinthians 1

Lokwalo lwa bobedi lwa Bakorintha

1Ditsala tse di rategang, Lokwalo lo lo tswa mo go nna Paulo, yo o tlhomilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete; le mo go mokaulengwe wa rona yo o rategang Timotheo. Re lo kwalela lotlhe Bakeresete ba Korinta le Akaia yotlhe.

2A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete o segofatse mongwe le mongwe wa lona thata, o lo neye kagiso.

Modimo o kutlwelo-botlhoko le kgomotso

3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 1:4.
4
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 1:3-4.
Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng.
5Lo ka tlhomamisa gore fa re ntse re bogela Keresete, o tlaa nna a re supegetsa kgomotso ya gagwe le kgothatso. 6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 1:7.
7
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 1:6-7.
Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko. Mme mo matshwenyegong a rona Modimo o re gomoditse ebile o re thusa gore re lo supegetse mo maitemogelong a rona ka fa Modimo o tlaa lo gomotsang ka kutlwelo botlhoko ka teng fa lo tsena mo dipogisong tse di tshwanang le tse. O tlaa lo naya nonofo go itshoka.

8Ke bona gore lo tshwanetse go itse, bakaulengwe ba ba rategang, kaga pitlagano e re neng ra feta mo go yone kwa Asia. Re ne re pitlaganye tota ebile re fentswe gotlhelele ebile re boifa gore ga re kake ra tshela mo go yone. 9Re ne re ikutlwa o ka re re atlholelwa go swa le go bona ka fa re neng re sena nonofo ka teng go ithusa; mme go ne go siame, gonne foo re ne ra baya sengwe le sengwe mo diatleng tsa Modimo, o ka osi o neng o ka re boloka, gonne o ka tsosa le bone baswi tota. 10Mme o ne wa re thusa, wa re boloka mo losong, lo lo boitshegang; ee, re o lebeletse gore o re thuse gangwe le gape. 11Mme lo tshwanetse go re thusa le lona, ka go re rapelela. Gonne ditebogo tse dikgolo le pako tse di tswang mo go lona a di tlaa ya kwa Modimong, di tswa kwa go lona ba lo boneng dikarabo tsa one tse di hakgamatsang mo dithapelong tsa lona tsa polokego! 12Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona. 13
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 1:14.
14
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 1:13-14.
Dikwalo tsa me di ne di tlhamaletse ebile di ikanyega; ga go na sepe se se neng se sa kwalwa sentle! Mme le fa lo sa nkitse sentle (ke solofela gore letsatsi lengwe lo tlaa nkitse), ke batla go re lo nkamogele lo bo lo ikgantshe ka nna, jaaka lo setse lo ntse, fela jaaka ke tlaa ikgantsha ka lona mo letsatsing leo le Morena Jesu o tlang gape ka lone.

15
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 1:16.
16
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 1:15-16.
E ne e le ka ntlha ya go re ke ne ke rulagantse go tsena ka lona mo loetong lwa me go ya Masedonia, le morago jaaka fa ke tlaa bo ke bowa, gore ke ne ke ka nna tshegofatso e e menaganeng mo go lona le gore lo ka nthomela kwa Judea.

17Mme lo ka botsa lwa re, a ke fetotse thulaganyo ya me? A tota ga ke a dira mogopolo wa me le fa go ntse jalo? Kgotsa ke tshwana le monna wa selefatshe yo o reng “ee” fa tota a raya “nnyaa”.

18Le goka! Jaaka ruri Modimo o le boammaaruri, ga ke motho yo o ntseng jalo. “Ee”, wa me ke “Ee”.

Re tlhophilwe ke Modimo

19Timotheo le Selefano le nna re ntse re lo bolelela kaga Jesu Morwa Modimo. Ga se yo o reng “ee” fa a raya “nnyaa”. O aga a dira fela se a se buang.

20O a dira ebile o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, ga go re sepe gore di bontsi bo kae, go galaletsa leina la gagwe. 21Ke one Modimo o, o o diretseng nna le wena mo tumelong ya Sekeresete le go re dira baaposetoloi go rera Mafoko a a Molemo.

22O beile lotshwao mo go rona, lotshwao lwa go nna ba one, wa bo wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo sa gore re ba one, e le tiragalo ya ntlha ya tsotlhe tse o tlaa re di nayang.

23Ke goeletsa kwa Modimong go ntshupela fa ke sa bue boammaaruri: Mabaka a a dirileng gore ke seka ka lo etela ke gore ga ke batle go lo utlwisa botlhoko ka kgalemelo e e botlhoko. 24Fa ke tla, le fa ke sa kake ka dira thata go thusa tumelo ya lona, gonne e setse e nonofile, ke batla go ka dira sengwe ka ga boipelo jwa lona: ke batla go lo itumedisa, e seng go lo utlwisa botlhoko.
Copyright information for TsnLEF